Sedika sa Ruth Segomotsi Mompati se rapelela Barutwana ba Marematlou

Porofense ya Bokonebophirima ka fa tlase ga keteledipele ya Mokhuduthamaga Ntsetsao Viola Motsumi e tshotse tswetso ya go rapelela Barutwana ba mophato wa Marematlou, sedika ka sedika (District by district), pele ga thapelokgolo ya ngwaga le ngwaga ya porofense
Sedika sa Dr Ruth Segomotsi Mompati ke sona sedika sa ntlha go tshwara motseletsele o wa dithapelo gompieno, 04 Diphalane 2024 mo Sekolong se segolo sa Vryburg( Vryburg High School).

Dithapelo tse di rulaganyeditswe go kopa Modimo go nna motsereganyi le moemanokeng mo nakong e e masisi e ya ditlhatlhobo go ralala porofense.

Thapelo e e tlhotsenge tshwerwe e e .lebisitswe go dikolo tsotlhe tse dikgolwane tsa sedika(Secondary schools)di le 84 tse di tla bong di ntse disanyana go kwala ditlhatlhobo tsa bokhutlo jwa ngwaga fa gautshwane. Dikolo tseo di akaretsa bana ba le 5955 go tswa kwa Kagisano Molopo, Naledi le Greater Taung, mo Dr RSM.

Dibui tsotlhe tsa letsatsi di garetse melaetsa ya tsona ka gore barutwana ba tshware thata e sere go utlwa sebodu ba kgaoga.
Melaetsa yotlhe e tsibositse barutwana gore mokodue go tsosiwa o o itsisang ebile Modimo o thusa ba ba ithusang.
Ka go rialo barutwana ba kopilwe go tsepamisa megopolo ya bona yotlhe mo ditlhatlhobong le go itima menate nakwana gore ba dire sedika le porofense motlotlo fa dipholo di phasaladiwa, mo ngwageng wa 2025. Batsadi le batsayakarolo botlhe mo thuong le bona ba kopilwe go emisa nalwana ka go tshwenya barutwana ka ditiro tsa magae.

Mo puong ya bona, Kemedi ya baithuti e gopoditse baithuti gore go setse Malaysia a le somesupa(17) fela gore ditlhatlhobo di thankgologe ka jalo ba tshware ka natla go dira sedika le porofense motlotlo, jaaka dibui tsotlhe di kopile.

Motsamaisi wa sedika, Mme Mojakhumo Dithejane le MotsMaisi Rre Vaaltyn go tswa kwa lefapheng la Botaki, Setso Botsweretsi le Metshameko mo porofenseng, ba gateletse ntlha ya gore barutwana ba itshephe gonne maphata otlhe a dirile tiro ya ona, go ba thusa mme ga Jaana go setse mo magetleng a bone go dira sentle mo ditlhatlhobong le go tsholetsa serodumo.

Moletlo o o kgethegileng o o ne o thologetswe ke Bagokgo le Makgotlataolo a dikolo, Baruti le Bomme ba merapelo go tswa kwa dikerekeng tse di farologaneng gammogo, Kemedi ya barutwana(RCL), Batsadi, kemedi go tswa Sepodising sa Aferikaborwa( SAPS) le badiri ba lefapha .
Dithapelo tsa mofuta o wa didika di solofetswe go tshwarwa pele ga Thapelokgolo ya porofense e thing go tshwarwa ka di 18 Diphalane mo Sedikeng sa Ngaka Modiri Molema.

Dithapelo tsa Didika di solofetswe go tshwarwa ka mokgwa o o latelang:
Ngaka Modiri Molema: 14 Diphalane 2024
Bojanala: 15 Diphalane 2024, fa Dr Kenneth Kaunda e le 16 Diphalane 2024.
#NgwanaSejowaTlhakanelwa.

Author: tkhechane