Vryburg – Sekolopotlana sa Michael Saruchera se malala a laotswe go amogela barutwana

Sekolopotlana sa Michael Saruchera se ipaakanyeditse go amogela barutwana ba mephato ya Grade R go fitlha go Grade 6. Barutwana ba feta 1600 go tswa mo dikolong potlana tse di mabapi di akaretsa Thuto Lesedi, Moeti, Mokgosi gammogo le Retladira ba solofetswe go hudugela kwa sekolong sa Saruchera kwedi ya Tlhakole e tlhola letsatsi ( 01st February 2024). Barutwana ba tlile go goroga le Barutabana ba ba ba rutang ga jaana, kwa dikolong tse di umakilweng.

Baagi ba Huhudi Ext 25 ba ne ba dira boikuelo go Mokhuduthamaga Ntsetsao Viola Motsumi ngogola ka motseletsele wa puso wa Thuntsha Lerole, gore bana ba bona ba tsamaya sekgala se se leele go ya dikolong ebile matshelo a bona ga a babalesega. Ka jalo Mokhuduthamaga o ne a patelesega go etsa leano la go tsereganya mo ntlheng eo.

Mokhuduthamaga le botsamaisi jwa Sedika ba ne ba kitlanya ditlhogo le go solofetsa baagi gore Lefapha le tla tsibogela ntlha eo le go netefatsa gore Ext 25 ba bona thuso.

Mokhuduthamaga le botsamaisi jwa Lefapha ba ne ba swetsa gore le fa dipaakanyo tsa sekolo (construction) di sanse di tsweletse, karolo e e rileng ya sekolo e dirisiwe go amogela barutwana.

Ka thuso ya borrakonteraka le badiri botlhe kwa sekolong, Lefapha la Thuto le rulagantse diphaposi borutelo di le 24 go amogela barutwana.
Metsi, Motlakase, Matlwana a boithusetso Laeborari, Laboratori.ya Bonetetshi, Lefelo la boapeelo le tse dingwe le tsona di malala a laotswe.

#NtimeoMpheleNgwana!!

Author: tkhechane